1 Timothy 1

1Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, morongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Mmoloki wa rona le Jesu Keresete Morena wa rona, yo e leng ene fela tsholofelo ya rona.

2Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo.

3
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Timotheo I 1:4.
4
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Timotheo I 1:3-4.
Jaaka ke buile fa ke ya Masedonia, tswee-tswee nna koo mo Efeso o leke go kganela batho ba ba rutang thuto e e sa siamang. Khutlisa ditlhamane tsa bone, le dinaane tsa bone le mogopolo wa bone wa go bolokwa ka go bona kutlwelo botlhoko ka tlhatlologano ya baengele go fitlha kwa Modimong, megopolo ya sephologolo e e tsosang dipotso le dikganetsanyo boemong jwa go thusa batho go amogela leano la Modimo la tumelo.
5Se ke se tlhwaafaletseng ke gore Bakeresete botlhe koo ba tlale lorato lo lo tswang mo dipelong tse di itshekileng, le gore megopolo ya bone e nne phepa le tumelo ya bone e nonofe.

6Mme baruti ba, ba tlhokomologile mogopolo o otlhe, ba bo ba senya nako ya bone mo dikganetsanyong le go bua ka boeleele.

7Ba batla go nna baruti ba melao ya ga Moshe ntswa ba sena mogopolo o o tlhomameng wa gore melao eo tota e re supegetsa eng. 8Melao eo e siame fa e dirisiwa jaaka Modimo o ratile. 9Mme ga e a direlwa rona, ba Modimo o re bolokileng; ke ya baleofi ba ba ilang Modimo, ba ba dipelo di tsuololang, ba ba hutsang ba tlhapatsa, ba tlhasela borraabo le bommaabo ba bo ba bolaya batho. 10
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Timotheo I 1:11.
11
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Timotheo I 1:10-11.
Ee, melao e e diretswe go supa baleofi botlhe ba ba makgapha le ba ba itshekologileng! Ba ba robalanang le banna ba bangwe, bautswi ba batho, baaki le botlhe ba ba dirang dilo tse di kgatlhanong le Mafoko a a Molemo a a galalelang a Modimo wa rona, o ke leng morongwa wa One.

Paulo o baka Morena

12Ke leboga Morena wa rona Keresete jang ka go ntlhopha mongwe wa barongwa ba gagwe, le go nnaya thata ya go nna boikanyo mo go ene, 13le fa ke ne ke tle ke tlhapatse leina la ga Keresete. Ke ne ke tsoma batho ba gagwe, ke ba utlwisa botlhoko ka tsela nngwe le nngwe e ke neng ke ka e kgona. Mme Modimo wa nkutlwela botlhoko gonne ke ne ke sa itse se ke neng ke se dira, gonne ke ne ke sa itse Keresete ka nako eo. 14Oo! Morena wa rona o ne a le pelotlhomogi go le kae, gonne o ntshupegeditse gore ke ka mo ikanya jang le go nna lorato lo lo tletseng lwa ga Jesu Keresete.

15Kana go boammaaruri jang, ebile ke tlhwaafalela jang gore mongwe le mongwe a bo a itse, gore Jesu Keresete o tletse mo lefatsheng go boloka baleofi, mme ke ne ke le mogolo mo go bone botlhe. 16Mme Modimo o nkutlwetse botlhoko gore Jesu Keresete a ntirise jaaka sekao go supegetsa mongwe le mongwe gore o pelotelele go le kae le e leng mo baleofing ba bagolo, gore ba bangwe ba tle ba lemoge gore, le bone, ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng. 17A kgalalelo le tlotlo di nne go Modimo ka metlha le metlha. Ke kgosi ya dingwagangwaga, e e sa bonweng, e e sa sweng; ene ka esi ke Modimo, ebile o tletse botlhale Amen. 18Jaanong Timotheo, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira. 19Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo. 20Humenaio le Alekesenda ke dikai tse pedi tsa sone se, ke ne ka ba neela Satane go ba otlhaya go fitlhelela ba ithuta go sa tlhabiseng leina la ga Keresete ditlhong.
Copyright information for TsnLEF